
Lesilo Rula 1 (DVD)
Check my rate
View locations
Main centres: | 1-3 business days |
Regional areas: | 3-4 business days |
Remote areas: | 3-5 business days |
Main centres: | 1-3 business days |
Regional areas: | 3-4 business days |
Remote areas: | 3-5 business days |
EP. 1 - Raitlhwana o goroga mo motseng go tswa kgolegelong. O humanegile mme go le jalo borra selaga ba ba bedi ba ba mokolotang madi, ba gana go mo duela, le mmegape ba di mo ganetsa dikadimo, le bana ba itshamekela ka ene. Ka thuso ya Lesilo o loga leano la go ipusolosetsa.
EP. 2 - Ka go futswela lenakana, Raitlhwana o fa Lesilo ditaelo gore a tsoge mo baswing. Lesilo tiro ya gagwe ke go diragatsa ditaelo tsa ga Raitlhwana. Tiro ya ntlha ya ga lesilo ke go tshosa Nkele ebong mosadi wa ga Raitlhwana le banna ba ba bedi ba selaga.
EP. 3 - Nkele o bolelela Raitlhwana ka boloi jo a bo boneng mo ntlung ya bona. Le borra selaga le bone ba bua ka se ba se boneng.
EP. 4 - Ramalatlha o tshosetsa go utlwisa Raitlhwana botlhoko ka legong, mme a be a mmitse rakgolegelo wa nnete. Go le go ntse jalo Lesilo o ne a dira gore tonki ya ga ramalatlha e tsene ka sekgwa. Mabarebare a gore “sengwe" se tsentse tonki ya ga ramalatlha ka
sekgwa a ne a tlalatlala le motse.
EP. 5 - Rampe le mosadi wa gagwe, Morwesi ba kopa badirammogo le bona, ebong Setlhabi go duela diranta dile sekete tsa ga Raitlhwana. Bana le tumelo ya gore Raitlhwana o na le seabe mo lesong la morwa wa bona ebong Rapula. Kwa selageng Setlhabi o gogela Raitlhwana
kwa kgaolong ya ditsidifatsi abe a tswala mojako.