Main centres: | 1-3 business days |
Regional areas: | 3-4 business days |
Remote areas: | 3-5 business days |
EP. 10 – Ngwana waga Raitlhwana le Nkele, Jerry o goroga go tswa Soweto, go tla go batla rragwe. Jerry o ya go bona Tshepo go mo itsise ka lekwalo le a le amogetseng go tswa kwa go mmagwe, mme o mo loma tsebe gore rragwe a ka tswa e le moloi.
EP. 11 – Lepodisi Tshepo o sala Raitlhwanwa morago go ya kwa mabitleng, koo a lekang go bitsa Lesilo a sa tshola lenaka gonne a le lathile. Fa a feta basimane, o bona mongwe wa bona a rewele lenaka molaleng. A le tsaya mo go bone.
EP. 12 – Raitlhwana o tlhakwangwa tlhogo ke mosetsana yo o dirang kwa lebenkeleng, Mmaphefo. Lesilo o laelwa gore a mo tshelele setlhare se se tla mo dirang gore a mo rate. Raitlhwana one a ya go okomela ramalatlha, mme a lemoga gore Tshepo o mo setse morago.Ntvwa e e bogale e e nang le matlho a phatshimang mme a le mashibidu e tibisa lepodisi Tshepo, yo o reteletsweng go e thuntsa.Ramalatlha o tsoga kwa dirapeng tsa baswi mosong o o latelang.
EP. 13 – Raitlhwana o laela Lesilo gore a tshware monna yo o dirang ko polokelong ya madi poo. Raitlhwana o itlhaganelela kwa lapeng,fa a bula lebati, Tshepo a mo gogela ka fateng, a mo itaya ka lebole mo mpeng a mo tswara. Tshepo a somola lenaka mo molaleng wa ga Raitlhwana, mme a laela Lesilo go tlhorisa Raitlhwana. Raitlhwana one a tshwarwa, mme a emisiwa kwa kgotleng ya banna ba motse.